Community

Letsatsi la Mandela kwa Borakalalo

Batsayakarolo ba Remmogo Environmental Primary School Camp ba ne ba
kgobakana kwa Borakalalo Nature Reserve go busetsa sengwe mo lefelong , le
le neng la tshwara kampa e e gaufi thata le dipelo tsa bone. Mo moweng wa
nnete wa Letsatsi la Mandela, kampa e ne ya neela nako ya yona go dira
pharologano.

Setlhopha se sengwe se ne sa tsamaisa letsholo la go tlosa ditsenwa,go
thusa go sireletsa diphologolo tsa rona tsa naga,fa setlhopha se sengwe se
ne se phepafatsa lefelo la baeti ba letsatsi, go netefatsa tikologo e e
phepafetseng le e e amogelang botlhe.

Tsenwa nngwe le nngwe e e tlositsweng e emela botshelo jo bo ka tswang bo
bolokilwe ,mme kgetse nngwe le nngwe ya matlakala e e koomantshitsweng ke
kgato e e yang pele go somarela bontle jwa Borakalalo bakeng sa
dikokoana-bana tse di tlang.

"Re isa tebogo e e tswang boteng ba pelo go baokamedi le badiri ba
Borakalalo Nature Reserve bakeng sa kemanokeng ya bone e e sa batseng,
kaedi , le tirisano mmogo mo letsatsing lotlhe. Boineelo jwa lona bo dirile
gore letsholo le le nne le Katlego e kgolo" go buile baeteledipele ba kampa.

Mmogo , re bontshitse gore tshomarelo ya tikologo ke maikarabelo a re
tlhakanetseng ona.

Ka go boma mabogo le go bereka mmogo , re tswelela go aga mokgwa wa
boeteledipele jwa go somarela tikologo le go netefatsa [North West Parks
and Tourism Board] le sala le le lefelo la motlotlo mo dikokomaneng tse di
tlang.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Scroll to top